TN/Prabhupada 0002 - Tlhabologo Ya Monna Wa Setseno



Lecture on SB 6.1.49 -- New Orleans Farm, August 1, 1975

Harikeśa: Thanololo..."Fela jaaka mo borokong motho a lora a dira goya jaaka mmele yo o mo torong, kgotsa a itsaya gore ke mmele, fela jalo, o itsaya gore ke mmele wa gagwe yo o nnileng gone ntlheng ya 'tiro tse a di dirileng, mme ga a kgone go itsi botshelo jo bo fitileng kgotsa jo botlang."

Prabhupāda:

yathājñas tamasā (yukta)
upāste vyaktam eva hi
na veda pūrvam aparaṁ
naṣṭa-janma-smṛtis tathā
(SB 6.1.49)

Se ke maemo a rona. Keyone tswelelo pele ya rona ya bonetetshi, ya gore ga re itsi "se re neng re le sone pele ga botshelo jo le gore ke tla nna eng morago ga jo?" botshelo gabo felele fa. Kitso e ke ya semowa. Mara ga ba itsi le gore botshelo boa tswelela. Ba nagana gore go itiragaletse fela gore botshelo bo nne gone, ebile morago ga loso go fedile. ga bana sepe le maabane, gompijeno kgotsa ka moso. Tla re itumeleng." Se ke bomatla, tamasā, botshelo jo bo sena maikarabelo. Okare ajñaḥ. Ajñaḥ ke motlhoka kitso. Jaanong 'emang yo o senang kitso? Ba bidiwa, tamasā. Baba mo lefifing. Gona le mefuta e meraro ya se-lehatshe: sattva, raja, tamas. Sattva-guṇa ke gore o mo leseding ka sengwe le sengwe, prakāśa. Fela jaaka jaanong, legodimo le aparetswe ke leru, ka gajalo go thibile, ga gona letsatsi. Mme godimo ga maru teng go apogile, goa kganya. Gareng ga maru teng ga goa sedimoga. Fela jalo, baba baleng mo sattva-guṇa, tshotlhe di ba apogetse. baba mo tamo-guṇa, sengwe le sengwe ke botlhoka kitso fela, ba ba sa tlhamalalang, ba sa wele mo sattva-guṇa, kgotsa tamo-guṇa, mo gare, bone ba bidiwa rajo-guṇa. 'guṇa tse tharo. Tamasā. ba na le kgatlhego fela mo mmeleng wa ga jaana, ga ba kgathalele se se ka diregang. ebile ga a itsi gore e ne e le eng pele. Gona le go se se tlhalosiwang gone. nūnaṁ pramattaḥ kurute vikarma (SB 5.5.4) Pramattaḥ, fela jaaka setseno. Ga a itsi se se mo tsentsitsheng. O a lebala. Mme ka 'tiro tsa gagwe, ga a itsi se se tla letelang. Setseno. Jaanong mo tlhabologong e, tlhabologo ya sesheng, ke tlhabologo ya botseno. Ga bana kitso ya botshelo jo bo fetileng, ebile ga bana sepe le botshelo jo botlang. Nūnaṁ pramattaḥ kurute vikarma (SB 5.5.4) Ba tsepame mo go direng dibe ntlheng ya go tlhoka kitso ka botshelo jo bo fetileng. Fela jaaka ntswa Ga a itsi gore goreng e nnile ntswa, le gore wa go nna eng morago ga mo o. Ntswa eketswa e tlile ya nna mokhuduthamaga mo botshelong jwa yone jo bo fetileng mme fa a tshela jaaka ntswa, o a lebala. Seo ke tlhotlheletso e nngwe ya māyā. Prakṣepātmikā-śakti, āvaraṇātmikā-śakti. Māyā o na le maatla a mabedi. Fa motho a dirile dibe a be a nna ntswa, gobe go direga gore a gopole gore " kene kele mokhuduthamaga; jaanong ke nnile ntswa. ga go kitla go kgonega gore a tshele. ke gone jalo fa māyā o khurumeditse kitso ya gagwe. Mṛtyu. Mṛtyu go tlhalosa go lebala tsotlhe. Seo se bidiwa mṛtyu. Re itemogela se bosigo le motshegare. Fa re lora bosigo mo sebakeng se sengwe, botshelo jo bongwe, re lebala ka mmele o renang le one, gore " ke rapame. Mmele waka o namaletse mo manobonobong." Nnya. Tsaya gore gongwe o tlatsa leswe kgotsa o godimo ga thaba. O tsaya, mo torong, o tsaya... Mongwe le mongwe, rena le kgatlhego mo mmeleng oo. Re lebala mmele yo o fetileng. Se ke phoso e e tsamang le go sa tlhaloganye. Phoso e, fa retla re fapoga, re rutega. Seo ke katlego ya botshelo. Mme fa resa rutege, gare atlege. Ke go itlhakatlhakanyetsa botshelo. Go rialo, Kṛṣṇa consciousness e fano go gogela batho thutong. Se ke sone sotlhe se makwalo a Veda a se rutang: go rekolola batho. Kṛṣṇa mo Bhagavad-gītā o bua ka badumedi -eseng mongwe le mongwe- teṣāṁ ahaṁ samuddhartā mṛtyu-saṁsāra-sāgarāt (BG 12.7) E nngwe

teṣāṁ evānukampārtham
aham ajñāna-jaṁ tamaḥ
nāśayāmy ātma-bhāva-stho
jñāna-dīpena bhāsvatā
(BG 10.11)

Ke ya badumedi fela... O mo pelong ya mongwe le mongwe, Kṛṣṇa o thusa badumedi ba ba lekang go mo tlhaloganya. Wa thusa Ba eseng badumedi ga ba kgathale ba itsi hela goja diphologolo, go robala, ro robalana le itshireletso Ga ba tshwengwe ke sepe, ga ba kgathale go tlhaloganya Modimo kgotsa kamano ya bone le Ene. Ba nagana gore Modimo ga ayo ka ga jalo Kṛṣṇa o baraya a re, "Ee, gagona Modimo. Robala." Ka ga jalo sat-saṅga ya tlhokagala. sat-saṅga, satāṁ prasaṅgāt. Fa motho a tlhakane le badumedi ba bangwe, otlelwa ke go rata go itsi ka Modimo. Ka ga jalo re tlhoka mafelo a a kgontshang seo. Ga ese gore re bulela mafelo a lefela Nya. Ke bo molemong jwa batho ka kakaretso.